Friday, June 14, 2019

Hear from the captains hours before the R10 000 tournament


Tshwabiso Monanyane.



*We started our interview with the former Moroka Swallows player who is currently in charge of the Izinja Ze Game fc Samuel Sea Ngobeni.


Pic Laduma.On your right,Sea Ngobeni at Moroka Swallows
Tshwabiso: Good day Mr Ngobeni, how is the mood in the camp?
Ngobeni    : The mood is great, re tla ka diplayer tse dikotsi tell  your people out that they’ll get to know why we are called Izinja Ze  Game when they see us tomorrow. The preparation is cool.

Tshwabiso: Any injuries you’d like to make us aware of?
Ngobeni    :  No, diplayer tsam di shap.

Tshwabiso : Who is your team’s key player?
Ngobeni     :  There’s a player who just joined Bidvest Wits,they’ll see him tomorrow . He’s a striker.A surprise package for them.

Tshwabiso : What’s your score prediction in your game against Swallows?
Ngobeni     : Ke tla ba shapa 1-0 gore next time ba re invite gape,  batho ba re ke dlala ka moriana but the truth is my preparation is always top.

Tshwabiso : How far will you go in this competition?
Ngobeni     : Tournament ena ke yaka.Ntse ke tsaya ditournament ka bongata. Our first team ena le bana ba matric le ba college.They’re very active.

*Our second interview was with Stone Breakers fc captain Steve Ramokoka.

Tshwabiso: Good day Mr Ramokoka, how is the mood in the camp?
Ramokoka   : Ikatiso e kwa godimo ,we are looking forward to it.We thank the organizer Marcus for this tournament.

Tshwabiso : Any injuries you’d like to make us aware of?
Ramokoka : No injuries. We were in a training session this    morning.

Tshwabiso : Who is your team’s key player?
Ramokoka : Baki Moatshe he’s less than 20,he can do magic with the ball.Re na gape le Sello Matjila,very talented.

Tshwabiso  : What’s your score prediction in your game against Real Madrid?
Ramokoka   : Ro ja Madrid 3-0. Pele ga 12h00 tlaabe e le kgale re feditse.

Tshwabiso : How far will you go in this competition?
Ramokoka : Re fenya faenale,come Sunday ka 6 0’clock tlaabe ke kukile trophy.

Tshwabiso : Who do you fear most at Madrid?
Ramokoka : Ae! Ga re boife ope.

*Our interview with Marabi fc captain, Boikhutso Mayambela Motaung.

Tshwabiso: Good day Mr motaung , how is the mood in the camp?
Motaung   : Confidence e ntsi mo kampeng. Re na le beke yotlhe re ipaakanyetsa this game.


Tshwabiso: Any injuries you’d like to make us aware of?
Motaung   : Bafo le Junior ne ba gobetse but they’re recovering well.

Tshwabiso : Who is your team’s key player?
Motaung    :  The defender,Martin “Mahamutsa’’ and Tebogo “Seven” Modise.

Tshwabiso : What’s your score prediction in your game against university fc?
Motaung    : Haahaa,ke utwla ba re ba refa 3-0. Ro ba ja 3-1 or 2-0.

Tshwabiso : How far will you go in this competition?
Motaung     : Re yak o final then we’ll see what happens there.

Tshwabiso : Who do you fear most at University fc?
Motaung     : Ai,team eo they’re all average. They don’t have an outstanding player. They just have to work as a team.

*Our Interview with  Katlego Block2 Wadi, Roma captain captain.

Tshwabiso: Good day Mr Wadi, how is the mood in the camp?
Wadi         : Borre ba siame ko patlelong ntse ba jima. We are ready.

Tshwabiso: Any injuries you’d like to make us aware of?
Wadi         : Injury ne e le goalkeeper Mothusi “Cassilas” Motlhamme but he’s better now.

Tshwabiso : Who is your team’s key player?
Wadi          : Rabi Ramokoka,re itumetse gore he’s back.

Tshwabiso  : What’s your score prediction in your game against Blue Stars?
Wadi           : Setse re ba jele previously,so ro ba ja 3-0. Ba ka se kore ka go re di defender di tsogile.

Tshwabiso : How far will you go in this competition?
Wadi          : Tounament ena ra e tsaya.
Tshwabiso : Who do you fear most at Blue Stars fc?
Wadi          : Ga re tshabe ope ko Stars. Re na le coach e ntšhwa,there’s  discipline in our team.

*Interview with Deco More,Blue Stars captain.


Tshwabiso: Good day Mr More, how is the mood in the camp?
More         : Ipaakanyo ko kampeng ya itumedisa,the spirit is high le batshameki ba opela.Ba fela pelo.Me personally I’m used to these games.Ke tshamekile ko Castle.

Tshwabiso: Any injuries you’d like to make us aware of?
More         :Eish our striker, Bonang Jas le Aguero More who once had trials under Benson Mhlongo le Allen Freeze.



Tshwabiso : Who is your team’s key player?
More          : Kena le mosimane wa Limpopo Raymond Dinala le Bonang Jas.

Tshwabiso  : What’s your score prediction in your game against Roma?
More           : Bo kereya 3-0

Tshwabiso : How far will you go in this competition?
More          : Re ya makgaolakgang

*Interview with Knowledge Manyaka,Madrid captain.

Tshwabiso: Good day Mr Manyaka, how is the mood in the camp?
Manyaka   : Re shap,re prepared. Of course we don’t know what to expect from them.We’ll just fight.

Tshwabiso: Any injuries you’d like to make us aware of?
Manyaka  : Mdoko will not finish the game,he has a groin injury.

Tshwabiso : Who is your team’s key player?
Manyaka    : Stephens “Ortega”  jersey No 10 and Thapelo “Chilliboy”

Tshwabiso  : What’s your score prediction in your game against Breakers?
Manyaka    : Ro ba shapa 3-0

Tshwabiso : How far will you go in this competition?
Manyaka    : We are the defending champions. Ra e tsaya gape.

*Interview with Kgolagano Ramokoka,University captain.

Tshwabiso: Good day Mr Ramokoka, how is the mood in the camp?
Ramokoka: Re siame rona.

Tshwabiso: Any injuries you’d like to make us aware of?
Ramokoka :No injuries

Tshwabiso : Who is your team’s key player?
Ramokoka : Katlego “Neymar” Mphela.


Tshwabiso: What’s your score prediction in your game against Marabi?
Ramokoka: Ro ba fa 3

Tshwabiso : How far will you go in this competition?
Ramokoka  : Final,but not sure of what will happen there.


Tshwabiso : Who do you fear most at Marabi?
Ramokoka  : Ro tlhokomela Seven.

NB. Swallows’ captain Backer took us to voicemail.





































Thursday, June 13, 2019

"Agrizzi" a netefaletsa Radio Mafisa gore ditlhopa di golegilwe jang.


Tshwabiso Monanyane

Sammy "Marcus"Thipe
Phasalatso ya kgaisano mo Mafisa fm
Motshamekagare wa Marabbi fc Junior Lekalakala le mogokaganyi wa kgaisano ya kgwele ya dinao ya baša Ramokokastad Youth day Soccer Tournament,  Sammy “Marcus Agrizzi Gavey” Thipe, ba tsogile ba buisana le mogasi wa Radio Mafisa, DJ Spara mo thulaganyong ya moso go totobaletsa setšhaba ka metshameko e e rokotsang mathe ya Lamatlhatso le Sontaga mo bokhutlong jwa beke ya letsatsi la baša.
Junior Lekalakala wa Marabi

Ba re anegetse ka tsela e ditlhopa di golegilweng ka yona;

Stone Breakers Vs Real Madrid – 10h00
Blue Stars         Vs Roma fc        _ 12h00
Marabi              Vs University fc _  14h00
Soweto All Stars(Izinja ze Game) Vs Swallows-16h00

Metshameko ke ya lamatlhatso, sekamakgaolakgang le makgaolakgang ka Sontaga. Lerole le tla beta mokodue
                                  kwa lebaleng la metshameko la Kwena Tlase.




Friday, June 7, 2019

Go reng Hope a kwadile gore o na le mogare HIV,mo facebook?


Tshwabiso Monanyane.
Hope a apere mosese wa modiro wa mesomelwana



Serala sa mafaratlhatlha a boitapoloso a facebook se ne a nyeuma ka dipotso moragonyana ga gore lekgarebe la kwa Moruleng, Hope Raikane a kwale mo maranyeng a facebook a itsise mo phatlhalatseng fa a tshwaetsegile ka mogare wa HIV.

Raikane a re o dirile seno go lemosa setšhaba fa botshelo bo sa khutle ka ntateng ya mogare ono, a gatelela fa go le malwetse a a boitshegang jaaka kankere mme batho ba ba nang le malwetse ao ba sa ikobonye mo botshelong.



A re go ne go se bonolo kwa tshimologong fa a ne a lemoga fa a tshwaetsegile mo a neng a feletsa a batla go ipusolosetsa ka ntwa mo lekaung le a neng a ratana nalo ka nako eo a le latofatsa ka go rwala maikarabelo a gore a fitlhelelwe ke mogare ono le gore ga a mo itsise ka seemo sa gagwe sa pholo.

Jaaka leina Hope le kaya tsholofelo, a re o itsaya jaaka tsholofelo go batho ba ba tshelang ka mogare ono gape a batla go bona batsadi ba nna le sebete sa go bolelela bana ba bona nnete bogolosegolo ba le bona ba tshwaetsegileng .

“ The parents should be open to their children about this, that’s the way to protect them. Batla gola le bona ba itse gore ba iphemele jang in the future. It’s very painful go bona bana ba bangwe ba gola batsadi ba sa ba bolella gore le bona ba lwala,how do you expect them to protect themselves and others as well?.” Ke nopolo ya ga Raikane.

Raikane a re ga go kitla go thusa puso go goeletsa gore batho bas a robalana lemororo ba setse ba tshela ka maikutlo a go iphanya ka thobalano, a re go ka thusa fa go ka rotloediwa batho go itlhokomela le go dirisa mesomelwana.

Tshetlhana eno ya kwa Raikane a re o amogetse tshegetso go tswa go maloko a lelapa la gaabo. O ntse sešeng a dirisana le lefapha la tsa pharakano ,mekgatlho ya badirediloago le mokga wa Positive Action Campaign go tsweletsa matsholotemoso.



Thursday, June 6, 2019

Mofenyi wa Ramokokastad Youth Day Tournament o tla gapa R10 000, 00


Tshwabiso Monanyane.
Go tla bogela yo sebete kwa lebaleng la metshameko la Ramokokastad mo bokhutlong jwa beke ya go tshwaya ngwaga wa bo 43 wa go tlotlomatsa le go gopola baša ba maloba ba Afrika Borwa ,ba e nnileng digatlhamelamasisi tsa Seetebosigo wa 1976 tse di neng tsa ema kgatlhanong le melawana ya thuto ya nako eo .
Mo lekgetlong la jaanong jaana bangwe ba baša ba metse e e neng e sa iketla ya Ramokokastad mo tsamaong ya ngwagatlola e le fa ba ne  ba batla tsereganyo ya puso mo dikgwetlong tsa metse ya bona, ba tla dirisa kgaisano eno ya kgwele ya dinao go tsholetsa mowa wa kagiso le namatshego.
Mongwe wa bagokaganyi ba kgaisano eno e e kobiseditsweng Seetebosigo a le malatsi a 16 Sammy "Marcus Garvey" Thipe o bua fa kgaisano ya mofuta ono e lebelelane le go itumedisa basha le go senola bokgoni ba bona mo metshamekong "Re batla go dirisa sports to rehabilitate our youths,re ba ntshe mo mebileng, we believe that through sports a lot can be achieved . We expect to be joined by some of the well known professional players on the day.” Ke nopolo ya ga Thipe.
Pic Soccer Laduma:Zitha Macheke kwa Chiefs
Go solofelwa motshameki wa maloba wa Soweto All Stars, Kaizer Chiefs,Amazulu,Free State Stars le University of Pretoria Lucky Mzizi,wa maloba wa Chiefs,Thanda Royal Zulu sešeng a ntse a dira tiro kwa Chippa United Zitha Macheke, naletsana ya maloba ya Moroka Swallows, Orlando Pirates le Bush Bucks Sibusiso Mazibuko.
Kgaisano e tla simolola ka la 15  le go khutla ka la 16 Seetebosigo.
Ditshimega go tswa mo ditlhopeng tse 8 di tla gapa R10 000, 00 fa ba ba latlhegelwang mo motshamekong wa makgaolakgang ba tla phimolwa keledi ka R5 000,00. Ba bangwe ba tswa ba iphotlhere (Wa swa,Wa swa).
Batsayakarolo ke Blue Stars fc, Marabbi fc, Roma fc , Stone Breakers fc, Swallows fc,Soweto All Stars le University fc.
Pelenyana ga makgaolakgang, motshemeko wa bakoloba  o tla nna matlhagolelatsela .




Friday, May 10, 2019

Mapodise ale mararo a gobala mo thuntsanong le disinyi kwa Rustenburg.


Tshwabiso Monanyane.


Ditshwantsho ka Tumisang Rasmeni
Batlhankela ba le bararo ba sepodise ba tswelela go bona thuso kwa bookelong morago ga go tswa dikgobalo ka nako e o ba neng ba thuntsiwa ke babelaewa ba ba neng ba kgototsa sejanaga se se rwalang mausausa a madi mo tlhaselong e e diragaletseng kwa mmileng wa Bethlehem kwa Rustenburg.

Sepodise se ne sa tlhaseselwa ka marumo a tlhobolo ka nako ya fa se ne se goroga kwa lefelong la tiragalo. Motlhankela a le mongwe wa tshireletsego o ne a gobala go akaretsa le mongwe wa baagi  yo a neng a le mo tikologong ka nako ya thuntsano eno.

Motlhankela wa sepodise Mokolonele Brenda Muridili a re sejanaga sa babelaelwa se ne sa kgoreletsana le sa mofuta wa vene e e rwalang madi le go e gapeletsa go tswa mmileng. Morago babelaelwa ba dirise dithunyi go phampolola vene eo. “It was established that an unknown number of suspects ran the security van off the road and bombed it using explosives and made away with undisclosed amount of cash”.Ga bua Muridili.

Babelaelwa ba tsene ka lenga la seloko ka madi a go iseng go tlhagisiwe go re ke bokae.
Sepodise se mo motlhaleng wa setlhopa sa  babelaelwa.

Thursday, May 2, 2019

Bayern fc e santse e busa Bojating


                                      
 Tshwabiso Monanyane

Setlhopa sa Bayern se tsene mo motshamekong se le matlhagatlhaga kgatlhanong le Sundowns e e neng e tswa mo phenyong ya motshameko wa yona le baamogela baeng Blue Stars ba ba ntsheditsweng ntle ka 5-4 ka thago ya kwa meloreng, e ne e le morago ga go ngangana ka 0-0 mo nakong e e tletseng .
Mekamekano ya batshameki ba Bayern kgatlhanong le ba Sundowns
Le fa Sundowns e ne e supa go imelwa ke maoto mo motshamekong wa bobedi kgatlhanong le bommamoratwa Bayern, e lekile ka bojotlhe go isa motshameko kwa letlhakoreng la Bayern mo metsotsong ya ntlha ya motshameko. Mo motsotsong wa bo 4 wa karolo ya ntlha ke fa Sundowns e simolola go bona metseletsele ya dithago tse digololosegileng tse bontsi ba tsona di neng di ragiwa ke motshameki wa maloba wa Bayern, Chicco Kgobane le go nna matshosetsi mo lemoragong la setlhopa sa Bayern.
Le gale Bayern e ne ya fetola lewa la seemo sa motshameko ka go simolola go kgabaganya molagare le go bolotsa ditlhaselo kgabetsakgabetsa . Mo motsotsong wa 13 ke fa motshamekapele yo a neng a le matshosetsi gangwe le gape fa a amogela kgwele Metaphor Moremi a ne a gogobisa kgwele  fa fatshe le go nosetsa Bayern. Seno e ne e le morago ga sekhutlo se seneng sa dubisa batshameki thankga mo lebokosong la di 18 le go phailwa ke motshwaradino wa Sundowns Thabiso "Lekgowa" Khunou pele e ne e kgatlhana le leoto le le supileng matsetseleko mo thagong ya ga Moremi.
Ka nako ya fa motshameko o gomagomela go ikhutsisa karolo ya ntlha, Sundowns e ne ya nosa kgwele e e neng ya se letlelelwe ke molaola-motshameko ka ntateng ya fa go ne ga nna le go kgopakgopetsana le motshwaradino wa Bayern Abba Ramankga morago ga thago e e neng e tlhomilwe ya Sundowns go tswa mo leotong la Kgobane le go lwelwa mo lebokosong.
Bayern e ne go sale gale mo karolong ya bobedi e bontshe go ka nosa nno ya yona ya bobedi fela lemorago la Sundowns la thiba metsi go ka tsena ka ntlo. Tshameko ya maoto a dilepe tse di boitshegang ka Kgobane le Katlego "Marcho" Metsileng e ne ya fokotsa ditlhaselo tsa Bayern e batshemeki ba yona ba ba tlhaselang ba neng ba simolola go okaoka.
Metsotso ele 5 ya bofelo ke fa Dipolelo “Vinegar” Khunou wa Sundowns a goga lerumo le le neng la feta kwa godimo ga dikota le go garola dipelo tsa balatedi ba Bayern. Phenyo e ne ya totobatsa fa Bayern e le setlhopa se se santseng se tla leta go ka digiwa ke sengwe sa ditlhopa tsa Bojating.

   


Friday, March 8, 2019

Meiyara Khunou :" Hawks e iteleketse ka masepala le go se tshware badiri ba masepala sentle"


Tshwabiso Monanyane

Motsamaise wa masepala Nqobile Sithole
le Meiyara Mpho Khunou ba  itlhalosa.
Meiyara wa masepala wa Rustenburg Molekgotla Mpho Khunou o tlhotse a buile fa batlhankela ba lephata la sepodise ba Hawks ba ne ba sa dirisane sentle le badiri ba masepala ka Labobedi fa lephata leno le ne le phuruputsana le dikantoro tsa masepala malebana le dipego tsa tsietso ya dimilione di le masome a robedi le botlhano tsa diranta (R85m) ya thendara. Meiyara Khunou a re Hawks e ne e sa neelwa le lekwalotetla la go ka phuruputsa meago.

Meiyara Khunou o tlhotse a tshwere kopano le bobegadikgang kwa dikagong tsa masepala gompieno.
 E rile ka Labobedi, Sebueledi sa Hawks mo porofenseng ya North West Tlangelani Rikhotso,a bue fa go le  ditokomane tse di gapilweng kwa dikantorong di le nne tsa masepala di akaretsa ya motsamaisi wa masepala, Tlhogo ya tsa matlotlo, kantoro ya go somarela direkoto tsa bokwaledi le ya tsamaiso ya ditirelo magareng ga masepala le batlamedi ba ba rebolang  ditirelo.

Fela e rile gompieno, meiyara a tlhalose fa ba tla dirisana le lephata la Hawks mo dipatlisisong tse a gateletseng fa di sena motheo. " Ga gona ope yo a tlhalosang gore naaare manyofonyofo a R85m a utswitswe kgotsa go diragala eng. Se re se itseng ke gore ne gona le modumo ka madi a kana ka R25m a a diriseditsweng morero wa dikonteraka mo Moruni Kakaretso a setseng a botsisitse ka madi ao mme re a arabetse gore a dirisitswe jang. Jaanong re maketse ka morero wa R85m". Nopolo ya Khunou.

Kgabagare, Lekoko la Forum For Service Delivery le lona le ne la tshwara konferense le bobegakgang ura morago ga tsibogo ya meiyara Khunou. Molekgotla wa F4SD ,Pogiso Bothomane , o gatelela fa ba na le bosupi jo bo tletseng ba bogwenegwene kwa masepaleng wa Rustenburg. " Following the Hawks raid of the Rustenburg municipality offices on Tuesday, F4SD is receiving a flurry of information on administrative fumbling,sheer incompetence and allegations of corrupt activities in the municipality. The municipality owe ENATISs over R800 000 for registration and licensing of municipal vehicles". Nopolo ya Bothomane.

Lephata la Hawks le tlhalositse fa le tla batlisisana le ditatofatso kgatlhanong le masepala wa Rustenburg jaaka le gapile ditlankana kwa dikantorong di ka nna nne tsa masepala di akaretsa kantoro ya Motsamaisi wa masepala le ya motlhankela wa matlotlo.