Friday, May 10, 2019

Mapodise ale mararo a gobala mo thuntsanong le disinyi kwa Rustenburg.


Tshwabiso Monanyane.


Ditshwantsho ka Tumisang Rasmeni
Batlhankela ba le bararo ba sepodise ba tswelela go bona thuso kwa bookelong morago ga go tswa dikgobalo ka nako e o ba neng ba thuntsiwa ke babelaewa ba ba neng ba kgototsa sejanaga se se rwalang mausausa a madi mo tlhaselong e e diragaletseng kwa mmileng wa Bethlehem kwa Rustenburg.

Sepodise se ne sa tlhaseselwa ka marumo a tlhobolo ka nako ya fa se ne se goroga kwa lefelong la tiragalo. Motlhankela a le mongwe wa tshireletsego o ne a gobala go akaretsa le mongwe wa baagi  yo a neng a le mo tikologong ka nako ya thuntsano eno.

Motlhankela wa sepodise Mokolonele Brenda Muridili a re sejanaga sa babelaelwa se ne sa kgoreletsana le sa mofuta wa vene e e rwalang madi le go e gapeletsa go tswa mmileng. Morago babelaelwa ba dirise dithunyi go phampolola vene eo. “It was established that an unknown number of suspects ran the security van off the road and bombed it using explosives and made away with undisclosed amount of cash”.Ga bua Muridili.

Babelaelwa ba tsene ka lenga la seloko ka madi a go iseng go tlhagisiwe go re ke bokae.
Sepodise se mo motlhaleng wa setlhopa sa  babelaelwa.

No comments: