Friday, May 10, 2019

Mapodise ale mararo a gobala mo thuntsanong le disinyi kwa Rustenburg.


Tshwabiso Monanyane.


Ditshwantsho ka Tumisang Rasmeni
Batlhankela ba le bararo ba sepodise ba tswelela go bona thuso kwa bookelong morago ga go tswa dikgobalo ka nako e o ba neng ba thuntsiwa ke babelaewa ba ba neng ba kgototsa sejanaga se se rwalang mausausa a madi mo tlhaselong e e diragaletseng kwa mmileng wa Bethlehem kwa Rustenburg.

Sepodise se ne sa tlhaseselwa ka marumo a tlhobolo ka nako ya fa se ne se goroga kwa lefelong la tiragalo. Motlhankela a le mongwe wa tshireletsego o ne a gobala go akaretsa le mongwe wa baagi  yo a neng a le mo tikologong ka nako ya thuntsano eno.

Motlhankela wa sepodise Mokolonele Brenda Muridili a re sejanaga sa babelaelwa se ne sa kgoreletsana le sa mofuta wa vene e e rwalang madi le go e gapeletsa go tswa mmileng. Morago babelaelwa ba dirise dithunyi go phampolola vene eo. “It was established that an unknown number of suspects ran the security van off the road and bombed it using explosives and made away with undisclosed amount of cash”.Ga bua Muridili.

Babelaelwa ba tsene ka lenga la seloko ka madi a go iseng go tlhagisiwe go re ke bokae.
Sepodise se mo motlhaleng wa setlhopa sa  babelaelwa.

Thursday, May 2, 2019

Bayern fc e santse e busa Bojating


                                      
 Tshwabiso Monanyane

Setlhopa sa Bayern se tsene mo motshamekong se le matlhagatlhaga kgatlhanong le Sundowns e e neng e tswa mo phenyong ya motshameko wa yona le baamogela baeng Blue Stars ba ba ntsheditsweng ntle ka 5-4 ka thago ya kwa meloreng, e ne e le morago ga go ngangana ka 0-0 mo nakong e e tletseng .
Mekamekano ya batshameki ba Bayern kgatlhanong le ba Sundowns
Le fa Sundowns e ne e supa go imelwa ke maoto mo motshamekong wa bobedi kgatlhanong le bommamoratwa Bayern, e lekile ka bojotlhe go isa motshameko kwa letlhakoreng la Bayern mo metsotsong ya ntlha ya motshameko. Mo motsotsong wa bo 4 wa karolo ya ntlha ke fa Sundowns e simolola go bona metseletsele ya dithago tse digololosegileng tse bontsi ba tsona di neng di ragiwa ke motshameki wa maloba wa Bayern, Chicco Kgobane le go nna matshosetsi mo lemoragong la setlhopa sa Bayern.
Le gale Bayern e ne ya fetola lewa la seemo sa motshameko ka go simolola go kgabaganya molagare le go bolotsa ditlhaselo kgabetsakgabetsa . Mo motsotsong wa 13 ke fa motshamekapele yo a neng a le matshosetsi gangwe le gape fa a amogela kgwele Metaphor Moremi a ne a gogobisa kgwele  fa fatshe le go nosetsa Bayern. Seno e ne e le morago ga sekhutlo se seneng sa dubisa batshameki thankga mo lebokosong la di 18 le go phailwa ke motshwaradino wa Sundowns Thabiso "Lekgowa" Khunou pele e ne e kgatlhana le leoto le le supileng matsetseleko mo thagong ya ga Moremi.
Ka nako ya fa motshameko o gomagomela go ikhutsisa karolo ya ntlha, Sundowns e ne ya nosa kgwele e e neng ya se letlelelwe ke molaola-motshameko ka ntateng ya fa go ne ga nna le go kgopakgopetsana le motshwaradino wa Bayern Abba Ramankga morago ga thago e e neng e tlhomilwe ya Sundowns go tswa mo leotong la Kgobane le go lwelwa mo lebokosong.
Bayern e ne go sale gale mo karolong ya bobedi e bontshe go ka nosa nno ya yona ya bobedi fela lemorago la Sundowns la thiba metsi go ka tsena ka ntlo. Tshameko ya maoto a dilepe tse di boitshegang ka Kgobane le Katlego "Marcho" Metsileng e ne ya fokotsa ditlhaselo tsa Bayern e batshemeki ba yona ba ba tlhaselang ba neng ba simolola go okaoka.
Metsotso ele 5 ya bofelo ke fa Dipolelo “Vinegar” Khunou wa Sundowns a goga lerumo le le neng la feta kwa godimo ga dikota le go garola dipelo tsa balatedi ba Bayern. Phenyo e ne ya totobatsa fa Bayern e le setlhopa se se santseng se tla leta go ka digiwa ke sengwe sa ditlhopa tsa Bojating.

   


Friday, March 8, 2019

Meiyara Khunou :" Hawks e iteleketse ka masepala le go se tshware badiri ba masepala sentle"


Tshwabiso Monanyane

Motsamaise wa masepala Nqobile Sithole
le Meiyara Mpho Khunou ba  itlhalosa.
Meiyara wa masepala wa Rustenburg Molekgotla Mpho Khunou o tlhotse a buile fa batlhankela ba lephata la sepodise ba Hawks ba ne ba sa dirisane sentle le badiri ba masepala ka Labobedi fa lephata leno le ne le phuruputsana le dikantoro tsa masepala malebana le dipego tsa tsietso ya dimilione di le masome a robedi le botlhano tsa diranta (R85m) ya thendara. Meiyara Khunou a re Hawks e ne e sa neelwa le lekwalotetla la go ka phuruputsa meago.

Meiyara Khunou o tlhotse a tshwere kopano le bobegadikgang kwa dikagong tsa masepala gompieno.
 E rile ka Labobedi, Sebueledi sa Hawks mo porofenseng ya North West Tlangelani Rikhotso,a bue fa go le  ditokomane tse di gapilweng kwa dikantorong di le nne tsa masepala di akaretsa ya motsamaisi wa masepala, Tlhogo ya tsa matlotlo, kantoro ya go somarela direkoto tsa bokwaledi le ya tsamaiso ya ditirelo magareng ga masepala le batlamedi ba ba rebolang  ditirelo.

Fela e rile gompieno, meiyara a tlhalose fa ba tla dirisana le lephata la Hawks mo dipatlisisong tse a gateletseng fa di sena motheo. " Ga gona ope yo a tlhalosang gore naaare manyofonyofo a R85m a utswitswe kgotsa go diragala eng. Se re se itseng ke gore ne gona le modumo ka madi a kana ka R25m a a diriseditsweng morero wa dikonteraka mo Moruni Kakaretso a setseng a botsisitse ka madi ao mme re a arabetse gore a dirisitswe jang. Jaanong re maketse ka morero wa R85m". Nopolo ya Khunou.

Kgabagare, Lekoko la Forum For Service Delivery le lona le ne la tshwara konferense le bobegakgang ura morago ga tsibogo ya meiyara Khunou. Molekgotla wa F4SD ,Pogiso Bothomane , o gatelela fa ba na le bosupi jo bo tletseng ba bogwenegwene kwa masepaleng wa Rustenburg. " Following the Hawks raid of the Rustenburg municipality offices on Tuesday, F4SD is receiving a flurry of information on administrative fumbling,sheer incompetence and allegations of corrupt activities in the municipality. The municipality owe ENATISs over R800 000 for registration and licensing of municipal vehicles". Nopolo ya Bothomane.

Lephata la Hawks le tlhalositse fa le tla batlisisana le ditatofatso kgatlhanong le masepala wa Rustenburg jaaka le gapile ditlankana kwa dikantorong di ka nna nne tsa masepala di akaretsa kantoro ya Motsamaisi wa masepala le ya motlhankela wa matlotlo.




Tuesday, March 5, 2019

Masepala wa Rustenburg o batlisisiwa mo magatweng a tsietso ya thendara ya R85m

Tshwabiso Monanyane

Pic:Tshwabiso Monanyane
Lephata la sepodise se se dirang ka bosinyi la Hawks le tlhotse le phuruphutsa dikago tsa masepala wa selegae wa Rustenburg.

Hawks e totobatsa fa batlhankela ba ne ba leba kwa masepaleng  mo go tsibogeleng magatwe a   tsietso ya  thendara e e fopholediwang go boleng ba dimilione tsa diranta di le masome a robedi le botlhano (R85 Million).

Sebueledi sa Hawks mo porofenseng ya North West Tlangelani Rikhotso, a re go ditokomane tse di gapilweng kwa dikantorong di le nne tsa masepala di akaretsa ya motsamaisi wa masepala, Tlhogo ya tsa matlotlo, kantoro ya go somarela direkoto tsa bokwaledi le ya tsamaiso ya ditirelo magareng ga masepala le batlamedi ba ba rebolang  ditirelo.

Rikhotso a re go sale gale go ka tlhalosa bogolo ba morero yono ,le fa gona a gateletse fa batlhankela ba ditirelo tsa boruni ba tla sekasekana goyapele le ditlankana tse di tlhotseng di gapilwe .
"The Hawks today raided the municipal offices of Rustenburg and this is regarding an alleged tender fraud with approximately R85 Million,we were basically looking for any document or any content on electronic devices that could assist us with our investigations" Ke nopolo ya Rikhotso.

Sebueledi sa masepala David Magae o buile fa ba sena tshwaelo mo ntlheng eno. O solofeditse go buisana le Radio Mafisa fa ba tlaabe ba le mo seemong sa go tsiboga.

Wednesday, February 20, 2019

Rustenburg residents offered opportunity to lower their Eskom fines

Benet Monanyane .


The power parastatal Eskom in the North West province is expected to visit the community of Robega village near Rustenburg on Thursday. The provincial Operating Unit utility will on the day launch a Come Clean Campaign in its effort to fight against electricity theft and non payment as it continues to roll out its Customer Incentive Campaign in the province.

Eskom says the campaign intends to offer a 50% discount off the tamper fine to prepaid customers who have tampared and by-passed their electricity meters, who connected electricity in any irregular manner and used illegal pre-paid vouchers instead of buying valid electricity vouchers.

The community members who come clean against illegal activities will be offered an opportunity to have their electricity supply normalized without having to pay the full temper fine and the reconnection fee.

Eskom has conceded that while more still needs to be done,notable strides have been made in fighting illegal connections. Acting General Manager for Eskom’s Security Division ,Advocate Karen Pillay made a call to consumers to disassociate themselves with acts of electricity theft .

“Eskom would like to remind consumers that buying illegal electricity vouchers is a crime and punishable offence. Those found using illegal prepaid electricity vouchers could face disconnection, fines and even legal prosecution.” Said Pillay.

According to the latest announcement made by Eskom , South Africa loses about R20 billion a year due to illegal due to electricity theft in the form of illegal connections, non payment of accounts, meter tampering and ghost vending.







Monday, September 17, 2018

KOTSI YA DIJANAGA KWA RUSTENBURG


Tshwabiso Monanyane.
Kotsi e e latotseng matshelo. Setshwantsho: ER24
Batho ba le bararo ba latlhegetswe ke matshelo fa a le mongwe a gobetse mo go tseneletseng ka nako ya fa dijanaga di le pedi di ne di thulana ka dinko kwa mmileng wa Bleskop gaufi le Photshaneng kwa ntlenyana ga Rustenburg maabane.

Sebueledisa ER24 Werner Vermaak a re batlhankela ba ditirelo tsa molelo  le ba phaloso ba ne baitlhaganela kwa felong la kotsi le go fitlhela matlhekge a dijanaga di le pedi. Sengwe sa dijanaga se ne se lebisitse  mataere  godimo.
Vermaak o buile jaana le ba ANA; " One of the vehicles was lying on its roof in the road. Two people were found with fatal injuries and declared dead. A third person was resuscitated; however, despite the efforts of paramedics they were unable to revive him and he was later declared dead on the scene." Ga bua Vermaak.

Go fitlhetswe batho ba le babedi ba ne ba le mo seemong se se sa jeseng di welang,moraganyana batlhankela ba totobatse fa ba ne ba setse baiketse boyabatho. Maiteko a go ka alafa yomongwe waboararo a ne a se atlege fa le ena a ne a tlhokofalela mo lefelong la kotsi. Motho wa bone o potlakiseditswe bookelong ka dikgobalo tse di masisi.

Vermaak a re sebakwa sa kotsi ga se ise se itsiwe.

Thursday, September 13, 2018

BAPHALANE BA KOPIWA KE TONAKGOLO GO DIRISANA LE PUSO


Tshwabiso Monasta.

Morafe wa Baphalane o thologetse kwa kopanong ya tonakgolo.
Le fa tonakgolo ya North West Job Mokgoro a ikuetse ka sebele go boidiidi ba baagi ba motse wa Ramokokastad gaufi le Mogwase go re ba letlelele barutwana ba sekolo go boela dikolong,tsamaiso ya dipalangwa le tiriso ya tliniki  go boela tlwaeding.

 Maloko a baagi a re a santse a tla emisa ditirelo  go fitlha tonakgolo a simola go diragatsa dingwe tsa ditshweetso tsa gagwe tse a tlhalositseng fa di setse di le tirisong.

A ne a eme morafe ka lefoko kwa Ramokokastad,tonakgolo Mokgoro o tlhaloseditse baagi fa a gapeletsegile go dirisa karolwana e nngwe e e farologaneng ya molao morago ga gore maphata a a golagangwang le serobe sa segosi a se dumelane go ka tsenyeletsa molawana yo  o letseng mo maruding a taelo ya segosi go ka laela gore tsamaiso ya dithoto tsa morafe e tlhokomelwe ke batlhankela ba puso.


“ Mo morago ga go reetsa dingongora le mathata a okametseng Baphalane,ke ile ka sweetsa tshweetso e e ntebaganeng mabapi le molawana yo o bidiwang North West Traditional Leadership and Governance ACT yo o tlhalosang go re ge maemo a le ka mokgwa yo,go diriwang. Molao yo wa re tsamaiso ya segosi,a ke kae kapa kae mo porofenseng ya Bokone Bophirima,e tshwanetse go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya puso ya porofense. Molao o le maikarabelo a lebaganeng moprimiri,ke go tlhokomela gore ditlhokego tsa morahe o tshwana le o wa Baphalane di tlhokomelwe. Ke le moprimiri wa porofense ke tsere tshweetso ya gore ke dirise molao o go ka tsena kgang ya mathata a ba Baphalane”. Go buile Mokgoro.

Tonakgolo a re nako ya go ka reetsa maphata a amegang mo morerong wa Baphalane e khutlile mme e le nako ya go tsaya dikgato. “ Dipegi tse re di boneng bagaetsho ke gore tsamaiso ya segosi ga ya tlhamalala ya hokola,jaanong kgato ya tsereganyo e ke e tsayang gompieno e tla akaretsa go tlhomiwa ga babatlisisi ba ba tla lebelelanang le merero e e tlhagisitsweng,mme ba ba tlaabong ba nkemetse go tsaya kgato e ,ke ba tlhalosetse ka botlalo gore ke eng se ba tshwanelwang ke go se dira. Go tlisa tsepamo,baagi ba tshwanetsetse ba thusana le puso mo ntlheng eno. Letlelelang bana go ya dikolong ,tliliniki e bulwe. Ga tswelela Mokgoro.

Baagi ba ne ba sala ba ntse ba kokoane kwa kopano e neng e tshwaretswe teng le go bua fa ba kgotsofalela kgato ya tonakgolo,fela ba buafa ditirelo di santse di tla tswelela go ema go fitlha ba supediwa motlhankela yo a tlhomilweng go dirisana nabo.
  
Go tlhagelela fa kopano e e neng ya tshwarelwa kwa Mogwase pelenyana ga fa go ka lebiwa Ramokokastad e ne ya nna ya maikutlo a a magoletsa magareng ga malapa a golagangwang le segosi malebana le go ka sweetsa mo morerong wa go ka laela gore dithoto tsa morafe di nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya puso.