Monday, September 17, 2018

KOTSI YA DIJANAGA KWA RUSTENBURG


Tshwabiso Monanyane.
Kotsi e e latotseng matshelo. Setshwantsho: ER24
Batho ba le bararo ba latlhegetswe ke matshelo fa a le mongwe a gobetse mo go tseneletseng ka nako ya fa dijanaga di le pedi di ne di thulana ka dinko kwa mmileng wa Bleskop gaufi le Photshaneng kwa ntlenyana ga Rustenburg maabane.

Sebueledisa ER24 Werner Vermaak a re batlhankela ba ditirelo tsa molelo  le ba phaloso ba ne baitlhaganela kwa felong la kotsi le go fitlhela matlhekge a dijanaga di le pedi. Sengwe sa dijanaga se ne se lebisitse  mataere  godimo.
Vermaak o buile jaana le ba ANA; " One of the vehicles was lying on its roof in the road. Two people were found with fatal injuries and declared dead. A third person was resuscitated; however, despite the efforts of paramedics they were unable to revive him and he was later declared dead on the scene." Ga bua Vermaak.

Go fitlhetswe batho ba le babedi ba ne ba le mo seemong se se sa jeseng di welang,moraganyana batlhankela ba totobatse fa ba ne ba setse baiketse boyabatho. Maiteko a go ka alafa yomongwe waboararo a ne a se atlege fa le ena a ne a tlhokofalela mo lefelong la kotsi. Motho wa bone o potlakiseditswe bookelong ka dikgobalo tse di masisi.

Vermaak a re sebakwa sa kotsi ga se ise se itsiwe.

Thursday, September 13, 2018

BAPHALANE BA KOPIWA KE TONAKGOLO GO DIRISANA LE PUSO


Tshwabiso Monasta.

Morafe wa Baphalane o thologetse kwa kopanong ya tonakgolo.
Le fa tonakgolo ya North West Job Mokgoro a ikuetse ka sebele go boidiidi ba baagi ba motse wa Ramokokastad gaufi le Mogwase go re ba letlelele barutwana ba sekolo go boela dikolong,tsamaiso ya dipalangwa le tiriso ya tliniki  go boela tlwaeding.

 Maloko a baagi a re a santse a tla emisa ditirelo  go fitlha tonakgolo a simola go diragatsa dingwe tsa ditshweetso tsa gagwe tse a tlhalositseng fa di setse di le tirisong.

A ne a eme morafe ka lefoko kwa Ramokokastad,tonakgolo Mokgoro o tlhaloseditse baagi fa a gapeletsegile go dirisa karolwana e nngwe e e farologaneng ya molao morago ga gore maphata a a golagangwang le serobe sa segosi a se dumelane go ka tsenyeletsa molawana yo  o letseng mo maruding a taelo ya segosi go ka laela gore tsamaiso ya dithoto tsa morafe e tlhokomelwe ke batlhankela ba puso.


“ Mo morago ga go reetsa dingongora le mathata a okametseng Baphalane,ke ile ka sweetsa tshweetso e e ntebaganeng mabapi le molawana yo o bidiwang North West Traditional Leadership and Governance ACT yo o tlhalosang go re ge maemo a le ka mokgwa yo,go diriwang. Molao yo wa re tsamaiso ya segosi,a ke kae kapa kae mo porofenseng ya Bokone Bophirima,e tshwanetse go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya puso ya porofense. Molao o le maikarabelo a lebaganeng moprimiri,ke go tlhokomela gore ditlhokego tsa morahe o tshwana le o wa Baphalane di tlhokomelwe. Ke le moprimiri wa porofense ke tsere tshweetso ya gore ke dirise molao o go ka tsena kgang ya mathata a ba Baphalane”. Go buile Mokgoro.

Tonakgolo a re nako ya go ka reetsa maphata a amegang mo morerong wa Baphalane e khutlile mme e le nako ya go tsaya dikgato. “ Dipegi tse re di boneng bagaetsho ke gore tsamaiso ya segosi ga ya tlhamalala ya hokola,jaanong kgato ya tsereganyo e ke e tsayang gompieno e tla akaretsa go tlhomiwa ga babatlisisi ba ba tla lebelelanang le merero e e tlhagisitsweng,mme ba ba tlaabong ba nkemetse go tsaya kgato e ,ke ba tlhalosetse ka botlalo gore ke eng se ba tshwanelwang ke go se dira. Go tlisa tsepamo,baagi ba tshwanetsetse ba thusana le puso mo ntlheng eno. Letlelelang bana go ya dikolong ,tliliniki e bulwe. Ga tswelela Mokgoro.

Baagi ba ne ba sala ba ntse ba kokoane kwa kopano e neng e tshwaretswe teng le go bua fa ba kgotsofalela kgato ya tonakgolo,fela ba buafa ditirelo di santse di tla tswelela go ema go fitlha ba supediwa motlhankela yo a tlhomilweng go dirisana nabo.
  
Go tlhagelela fa kopano e e neng ya tshwarelwa kwa Mogwase pelenyana ga fa go ka lebiwa Ramokokastad e ne ya nna ya maikutlo a a magoletsa magareng ga malapa a golagangwang le segosi malebana le go ka sweetsa mo morerong wa go ka laela gore dithoto tsa morafe di nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya puso.





Friday, September 7, 2018

Tonakgolo ya North West a leba Ramokokastad

Tshwabiso Monanyane


Kantoro ya tonakgolo ya porofense ya North West Job Mokgoro e totobatsa fa tonakgolo a tla leba kwa Ramokokastad mo letsatsing la Laboraro wa ka moso,koo a solofelwang go tsenela kopano e e itlhomang go fitlhelela tharabololo mo seemong se se ntseng se sa itsheka se le malebana le tsamaiso ya segosi .

Kopano e rulaganyeditswe go tshwarwa ka ura ya bolesome mo mesong kwa dikantorong tsa segosi sa Ramokokastad.
Tonakgolo Mokgoro o tlaabe a patapatilwe ke mokhuduthamaga wa lefapha la botaki,setso le merero ya segosi mo porofenseng Ontlametse Mochware le meiyara wa mmasepala wa Moses Kotane Ralesole Diale.

 Seno ke jaaka e setse e le sebaka se se fetang dikgwedi di le pedi go na le kgoreletsego ya dikolo,dibese le ditirelo tsa tliliniki kwa motseng wa Ramokokastad eo magareng ga metse mengwe e akaretsang metsana e dira Bojating,Phadi le Mmorogong. Badiri ba tswelela go gaelelwa ka ntlha ya fa ba gapeletsega go dirisa mefuta e mengwe ya dipalangwa. Maloko mangwe a baagi a o a sa itumedisiweng ke tsamaiso ya segosi sa Bakwena Ba Batlase kwa Phalane, ba ntse mo tsamaong ya dikgwedi tse di fetileng ba tswala mebila le go ganela barutwana ba sekolo go ya sekolong ba bua fa ba batla gore selelo sa bona se tsewe tsia.

Badichaba ba ba ntseng ba tsamaisa dikgwebo kwa motseng wa Phalane le bona ba kgotlisitswe setlhako.

Motswedi wa rona o tlhalositse fa tonakgolo a lemogile fa tiego go ya pele e ka feletsa e ama barutwana ba sekolo ka mo go sa tshwanelang. Puso ya North West e tlhalositse fa e le palogotlhe ya dikolo tse 9 tse di amegileng. Barutwana ba mophato wa marematlou ba le 109 ba santse ba beile seatla mo phatlheng mo pakeng eo ka yona baithuti ka bona kwa dikolong tse dingwe ba tswelelang go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang.



Monday, September 23, 2013

Malema accuses ANC government of turning a blind eye on the opposition members

By Benet Monanyane.

The Economic Freedom Fighters’ leader Julius Malema accuses the ANC government of not considering the supporters of the opposition parties in this country whenever there are job opportunities in government, but it instead focuses on the people who are said to have cast their votes for the ruling party.

‘’Your children herein Lethabong remain unemployed because you voted for an independent candidate,so you are being punished for that’’ he said. Ward 28 in the area is being run by an independent candidate, councillor Pako Molatlhegi who came in wearing the EFF T-shirt at the rally.

Malema was addressing more than 200 people wearing the EFF T-shirts at the Rethusegile High School in Lethabong, near Rustenburg, on Saturday, Where he also lashed out at the government officials who engage in sexual affairs with young women and promising to offer them jobs. Earlier on before he addressed the masses, Malema’s supporters sang the anti-president Jacob Zuma songs with the messages that says ‘’If you support Zuma, are you be mad?’’ and ’’Zuma we are fighting the boers not you,but if you stand in our way we will beat you’’.

The EFF leader accompanied by his co-fighters,Floyd Shivambu,Alfred Motsi,Titi Pilane ,Julius Milandzi and Papiki Babuile who are the former ANC members, danced to the tune.


Far right,Julius Malema in a check T-shirt and Floyd Shivambu is seen
on his right.-Photo Benet Monanyane .                                
Malema arrives at the Rethusegile High in Lethabong .Photo Benet Monanyane.
Lethabong residents cheering the EFF founder, Julius Malema.
Photo Benet Monanyane.
Malema said the government has built its own people the R.DP houses of a lower standard that are worse than the house of apartheid. ‘’There is nothing dignified about this house, is worse than the house of apartheid. We never said we want the lower standard, we said we want to live like the whites, and RDP house is nothing close to how the whites live ‘’he said. He continued by attacking the Black Economic Empowerment policy (BEE) saying it belongs to the whites who empower the black people by fronting them to their own benefit. EFF will be officially launched on the 13th of October in Marikana, at the kopie where 34 people were brutally killed by the police when they tried to disperse the striking miners on 16th August last year.
EFF leader Julius Malema addressing Lethabong residents on
                                    on Saturday 21 September  Photo:Benet Monanyane                                                   

Friday, July 31, 2009

Tebogo lives with hope


By Benet Monanyane

All that glitters is not gold,but by listening to his underground music you can associate him with your celebrated musos.This young man by the name of Tebogo “Mrapper” Nkomo (21) from Lethabong near Rustenburg, has turned a home bathroom in to a place where he spends almost the rest of his day pushing his long set dream of becoming a music star. Tebogo’s habit of causing noise and disturbance whenever his family wanted to use a bathroom for its exact purpose, was at first unwelcome by the family members.

Tebogo who has already recorded 274 songs from his bathroom cum music studio, says that his family members only gave him a room when they realized the talent he has after listening to some of his songs. Tebogo’s dream started when he was 13 in Grade 7 where he earned himself a name “Mrapper” from his friends, because of his passion in music. And after 8 years he is still working hard to live up to his nickname and unlike many young people he is positive about his future. “I won’t pressurize myself because of what some other people say about me being a “wanna be” I just do what I love for fun” Tebogo says. He usually borrows a six channel mixer from the local Deejays since he sold his in order to get a better mixer and microphone.

Mrapper’s music is now entertaining the Lethabong “party animals” at small gigs. His Homeboys who are hopeful about his music keeps on streaming into his home to be featured in some of his tracks. One of his friends from high school, Jeffrey Seakamela explains him as a believer. “Mrapper believes in his music dreams, you rarely see him around the streets and it’s good that he keeps himself away from bad life’. If fortune happens to be on his side, he won’t be the first person to be celebrated from Lethabong. He will be adding up to the national celebrated figures like a singing star, Ishmael Morabe.The children’s Rights ambassador cum singer Gabatshwane Gumede and not to forget the late Yvonne Phiri who played for the South African Netball Team.